23/10/2025
Yemkhulu o a itse gore katse fa e ka ja diphologolo tse di nang le moriri jaaka legotlo... morago ga nako e tla simolola go gagaba moriri oo o mo moletseng le mathe.
Tshipi e e bonwang mo setshwantshong e bidiwa SIKHWEHLELA SA TAU, ke leina le le tlwaelegileng mo Siswati. Bafaladi bona ba e bitsa LION HAIRBALL… le yone tau e nale kamano le katse ka gore di tswang mo lolweng lo le lengwe. Go bolelwa gore fa tau e ka ja phologolo e e nang le moriri, morago ga nako e ntsha bolo e e dirilweng ke moriri oo.
Tshipi eno ke sengwe sa bogologolo, ga e dirisiwe ke mongwe le mongwe 🙅🏾🥱😀. Fa o e dirisa, o nna motho yo o tlotlegang, o nna le seriti, mme gape o dira gore fa o bua, batho ba go reetse ka tlotlo le go go obamela.
Ga go a siama gore e diriswe ke motho yo monnye mo lefelong la tiro, ka gonne batsamaisi ba tla go tshaba, ba nne le letshogo fa o tsena mo lefelong 🙆🏾.
Fa o le motho wa maemo, mme o e dirisa, fa o bua batho ba a tshoga... go nna boemong jwa tlotlo 🥱😀. Fa o re “Amen bazalwane”, phuthego yotlhe e a tsoga, le bao ba neng ba robetse ba a phaphama 🙆🏾😀.
Ke a boeletsa gape — tshipi eno ga e dirisiwe ke mongwe le mongwe, ka gonne e le tshipi ya dikgosi 🙏🏾.
📿💍KGUMANA DIBUKA KA R20🧡📿
- BUKA YA MAWA A DITAOLA
- BUKA YA SEMOYA
- BUKA YA DIPHEKO
- BUKA YA DINGAKA
📿🐉KENA WHATSAPP KO ROMELLE 0680821064♥️📿